Keresete Mo Kopelong · Christ in Song Tswana
274. Ke Na Le Morapeledi
Kgalalelong
Mmoloki yo rategang tsala ya me;
Mme janong O mpabaletse ka bonolo,
Ao Mmoloki wa me e nne wa gago!
*CHORUS
Mmoloki wa ’go le wena;
Mmoloki wa me A re wa ’go le wena.*
Ke Na Le Rara, O Mphile Tsholofelo,
Ya bosakhutleng, e e boammaruri;
Mme O tloga A mpiletsa kwa go Ene,
Mme ke eletsa A go amogela.
Kobo E E Ntle-ntle E E Tshweu,
Kgalalelong e letile pono’a me;
Mme fa ke e amogela e phatsima,
Tsala’ me amogela nngwe le wena.
Ke Neilwe Kagiso ’Kete Ke Noka,
E sa itsiweng ke tsala’ lefatshe;
Keresete ke Mung, Keresete Mofi,
Nke O ka newa kagiso ya Gagwe.
Fa Jes’a Go Bonye Bolelela Bangwe,
Gore Mmoloki wa me ke wa gago;
Rapela Mmoloki ba tle kgalalelong,
Thapelo ’tla ’rajwa jaaka go wena.
Help keep these hymns free
Your donation can help maintain the website, improve accessibility and keep the hymns freely available.
♥ DonateHymn details
Hymnal: Keresete Mo Kopelong
Search name: Christ in Song Tswana
Language: Tswana
Hymn number: 274
Permanent page: number and title URL
This page preserves Ke Na Le Morapeledi as Hymn 274 in Keresete Mo Kopelong. It is part of the Christ in Song Tswana collection within a multilingual Adventist hymn archive built for reading, searching, sharing and comparing hymn traditions across languages.
Use the previous and next buttons to continue through this hymnal, or return to the collection page to search by number and title. The reading tools above let you adjust text size, save favourites and share the hymn with others.
Reading and preservation note
Historic and regional hymn texts can contain spelling differences, older punctuation, local wording and transcription variations. This archive keeps the hymns searchable while allowing future corrections and improvements to be made carefully.